DitireloLegal Aid Botswana
Ditshenyegelo tsa Madi

Ditshenyegelo tsa Madi
Go ka sekiwa ditshenyegelo fa motho (mongongoregi) a senyegetswe ke madi, kgotsa a senyegetswe ka tsela e nngwe, ka ntlha ya tlolo-molao ya yo mongwe (Mosekisiwa). Tsheko ya go nna jaana e direletswe go leka go busetsa yo o diretsweng phoso mo seemong se a neng a le mo go sone pele ga ditshenyegelo, mme a busediwa jalo ka tuelo ya madi.
Phimolo dikeledi e ka duelwa fa go nnile le ditshenyegelo mo dikoloing ka ntlha ya dikotsi tsa tsela, tatlhegelo ya dikatso kgotsa ya bokgoni ja go itirela sepe se se tsenyang madi, e le ka ntlha ya kgobalo ya nakwana kana ya sennela-ruri. Ditsheko tsa ditshenyegelo tsa go nna jaana di kgona go sekasekiwa, go bonwa gore tatlhegelo e ka nna bokae ka madi.
Ditsheko tsa ditshenyegelo tsa mothale o, di ka nna fa motho a tsuolotse yo mongwe mo mmeleng, mo moweng, a mo sentse leina, seriti, maikutlo kgotsa sephiri sa gagwe. Sekai ke gore motho o ka sekela ditshenyegelo tse di diragetseng ka ntlha ya botlhaswa ja ba bongaka, fa go dirilwe botlhaswa mo ditirelong tsa bongaka mo go ene, go bo go baka kgobalo kgotsa bogole, kgotsa go latlhegelwa ke botshelo; go tsuololwa ga sephiri, kutlobotlhoko, tshokolo, go tshwarwa kgotsa go tlhatlhelwa mo go seng ka fa molaong, go sekisiwa ka maikaelelo a tshotlo, le tse dingwe.
Mo ditshenyegelong tse e seng tsa madi, go tshwanetse ga rurifadiwa gore ke nnete ditshenyegelo tseo di ke tsa nnete .