Ditirelo

Interactively procrastinate high-payoff content without backward-compatible data. Quickly cultivate optimal processes and tactical architectures. Completely iterate covalent strategic theme areas via accurate e-markets.
TSHOBOKO

Legal Aid Botswana
Ditirelo

TSHOBOKO

Legal Aid Botswana
Ditirelo

LAB e thusa ba ba sa kgoneng go ituelela ditirelo tsa semolao, ka diofisi tse di mo mafelong a a farologanyeng, mme bontsi  jwa dikgang  tse re di amogelang ke tsa selegae.

Melao ya tsa Malwapa – Dikgang tsa Tlhalo, tlhokomelo ya bana, gore bana ba nna le mang, kgokgontsho ya mo malwapeng,

Dikgang/Ditsheko tsa Pereko,

 Molao wa lefatshe – go akarediwa le dikgang tse di fa pele ga Makgotla a Kabo Ditsha (Land Board) le la boikuelo ka tsa lefatshe (Land Tribunal)

Molao wa ditumalano dikgannyeng tsa ditumalano tsa dituelo le go dira tiro ka fa ditumalanong. (contract law) – go buelelwa kgotsa go tsaya kgato mo

Ditsheko tsa ditshenyegelo – kgolafalo ya motho kgotsa ditshenyegelo tsa dithoto, ditsheko tsa mekwalo ya ditaelo tsa moswi tsa gore dithoto di kgaoganngwe jang le tsa boswa – e leng go kwala ditaelo tseo le kgaoganyo ya boswa.

Fa godimo ga moo, lekalana le thusa ka tharabololo ya dikgang ya metlhale e mengwe jaaka  tetlanyo le tshereganyo, tse di patang dithuso tsa ditsheko tse lekalana le di dirang.

Mo bogompienong, Legal Aid Botswana ga e thuse ka tse di latelang:

  • Dikgotlhang tsa madi  tse di dirwang  ke  Lekgotlana la Small Claims Court
  • Dikgang tse di mo  Makgotleng a Setswana
  • Dikgang tsa tshenyo leina, tsuololo ya sephiri sa motho, go thuba malwapa,
  • Dikgang tsa khiro tse di santseng di le ko lephateng la tsa pereko

Legal Aid Botswana gape  e thusa ka boikuelo mo dikgannyeng tsa melato, tse re dumelang fa boikuelo bo ka atlega, le ditsheko tsa melato e e dirilweng ke bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi.

Ditirelo Melao ya tsa Malwapa
  • Dikgang tsa gore bana ba nna le mang,
  • Go tsewa ga bana
  • Tlhokomelo ya motsadi yo mongwe le bana
  • Kamogano ngwana le tetla ya go bona ngwana
  • Kgokgontsho ya mo malwapeng,
  • Dikgang tsa tlhalo
  • Mekwalo ya ditaelo tsa gore dithoto di kgaoganngwa jang le dikgang tsa boswa
  • Dikgang dipe fela tsa malwapa
Dikgang tsa Ditsha/Lefatshe
  • Dikgotlhang le ba Kabo ya ditsha
  • Go kobiwa mo lefelong
  • Go ngathiwa ga lefatshe ka go tlola melelwane ya ditsha
  • Go ralala mo go seng ka fa molaong
  • Modumo le go kgoreletsa kagiso
Molao wa Pereko
  • Ditsetlana tsa melao mo ditumalanong tsa tiro
  • Mathata a dikamogelo
  • Go kobiwa mo tirong mo go seng ka fa molaong
  • Dituelo tsa nako e e okeditsweng ya tiro
  • Tsamaiso ya pereko e e bayang badiri ka fa mosing
Tsa Ditumalano
  • Dikgotlhang tsa ditumalano,
  • Tshireletso ya Baji-bareki,
  • Ditsheko tsa ditumalano tse di nang le boleng
  • Go sa kgathalesege gore a tumalano e dirilwe ka mokwalo kana ka molomo fela
Tsa Ditshenyegelo
  • Ditshenyegelo le Phimolo dikeledi
Dikgang tsa borukhutlhi
  • Dithuto tsa semolao ka kakaretso
  • Bogakolodi jwa semolao ka kakaretso
GET SOLUTIONS FAST

Access to Justice

GET SOLUTIONS FAST

Access to Justice

OUR OFFICES

Get in Touch

Come and visit our quarters or simply send us an email anytime you want. We are open to all suggestions from our clients.
Address
CBD, East Wing,
Gaborone, Botswana
Call us
+267 3811300
Email us
enquiries@lab.co.bw
OUR OFFICES

Get in Touch

Come and visit our quarters or simply send us an email anytime you want. We are open to all suggestions from our clients.
Address
CBD, East Wing,
Gaborone, Botswana
Call us
+267 381 1300
Email us
enquiries@lab.co.bw