LAB e thusa ba ba sa kgoneng go ituelela ditirelo tsa semolao, ka diofisi tse di mo mafelong a a farologanyeng, mme bontsi jwa dikgang tse re di amogelang ke tsa selegae.
Melao ya tsa Malwapa – Dikgang tsa Tlhalo, tlhokomelo ya bana, gore bana ba nna le mang, kgokgontsho ya mo malwapeng,
Dikgang/Ditsheko tsa Pereko,
Molao wa lefatshe – go akarediwa le dikgang tse di fa pele ga Makgotla a Kabo Ditsha (Land Board) le la boikuelo ka tsa lefatshe (Land Tribunal)
Molao wa ditumalano dikgannyeng tsa ditumalano tsa dituelo le go dira tiro ka fa ditumalanong. (contract law) – go buelelwa kgotsa go tsaya kgato mo
Ditsheko tsa ditshenyegelo – kgolafalo ya motho kgotsa ditshenyegelo tsa dithoto, ditsheko tsa mekwalo ya ditaelo tsa moswi tsa gore dithoto di kgaoganngwe jang le tsa boswa – e leng go kwala ditaelo tseo le kgaoganyo ya boswa.
Fa godimo ga moo, lekalana le thusa ka tharabololo ya dikgang ya metlhale e mengwe jaaka tetlanyo le tshereganyo, tse di patang dithuso tsa ditsheko tse lekalana le di dirang.
Mo bogompienong, Legal Aid Botswana ga e thuse ka tse di latelang:
Legal Aid Botswana gape e thusa ka boikuelo mo dikgannyeng tsa melato, tse re dumelang fa boikuelo bo ka atlega, le ditsheko tsa melato e e dirilweng ke bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi.